POLELO YA BOBEGAKGANG
PHASALATSO YA KA GANGWE
02 MOTSHEGANONG 2023, PRETORIA
PanSALB E AMOGELA GO FETISIWA GA MOLAOTLHOMO WA 18 WA TLHABOLOLO YA MOLAOTHEO KE KOKOANOBOSETŠHABA GO NTA PUO YA MATSHWAO YA AFORIKABORWA GO NNA YA SEMMUSO
Boto ya Dipuotsotlhe ya Aforikaborwa (PanSALB) e amogela go fetisiwa ga molaotlhomo wa 18 wa tlhabololo ya Molaotheo kwa ntle ga kemokgatlhanong to akaretsa / tsenya Puo ya Matshwao ya Aforikaborwa go nna puo ya semmuso ya bolesomepedi mo nageng. Seno ke kgatelopele ya botlhokwa e e netefatsang ditshwanelo tsa batho ba ba buang puo ya matshwao go ka fitlhelela ditirelo le tshedimosetso ya maemo a a kwa godimo. Go kgapelwa thoko ga babui ba puo ya matshwao mo boagong go nnile le seemo se se sa siamang sa go ba retetsa go ka nna le seabe mo setšhabeng. Le fa re ka keteka kgatelopele e e botlhokwa eno, re tshwanetse go itebaganya le go tsenya tirisong mmogo le go tsenyeletsa Puo ya Matshwao mo melawaneng ya rona ya dipuo ka go nna le dithulaganyo tse di ka baakanyang ditlhokego tsa badiri ba Puo ya Matshwao.
Lokwalotlhomo lwa Puo ya Matshwao ya Aforikaborwa (SASL Charter) leneelana ka dikakanyo e seng fela tsa go thusa babui ba Puo ya Matshwao go ka fitlhelela tshedimosetso ya maemo a a kwa godimo mme le go ka netefatsa fa ditshwanelo tsa bona tsa puo di sireleditswe ka tsela e e maleba le tekatekano.
“Se ke nako ya botlhokwa mo hisetoring ya babui ba Puo ya Matshwao. Re le PanSALB, re amogela kgatelopele e ya botlhokwa go netefatsa fa ditshwanelo tsa babui ba Puo ya Matshwao di tsewa tsiya mme re ikuela mo mafapheng a puso le setšhaba ka kakaretso go netefatsa fa se e se molawana fela o o se kitlang o tsewa tsiya. Re tshwanetse go netefatsa fa go tlaa neelanwa ka didiriswa tse di maleba go netefatsa go tsenya tirisong molawana o le go tokafatsa boleng jwa neelano ya tshedimosetso le ditirelo go badiri ba Puo ya Matshwao” go buile Mokhuduthamagamogolo wa PanSALB, Rre Lance Schultz.
O tsweletse ka gore go amogela Puo ya Matshwao jaaka puo ya semmuso go lemosa fa matsholo – tsiboso a go bontsha fa Puo ya Matshwao ya Aforikaborwa e le puo e e feletseng jaaka tse dingwe, e e nang le setshwano sa yona se se farologaneng e- bile e ikemetse jaaka puo nngwe le nngwe. Ke puo ya segae mo Aforikaborwa mme e bile e na le seabe mo karolwaneng ya dipuo le mo ngwaong le setso sa Aforikaborwa.
Bokhutlo
E phasaladitswe boemong jwa PanSALB: Ntombentle Huluhulu
Mokaedi: Diphasalatso le Dikgokagano
Mogala: 061 581 5216