BOGADI JWA NGWANA

Ka: KAKA Mokakale

ITLHABE BOTLHALE

MATSENO

  • Re tlile go lebelela BOGADI, mme re totile mofuta o o rileng wa Bogadi.
  • Bogadi ke kgolaganyo fa gare ga BATSADI ba Mosimane le Mosetsana.
  • Ke thekololo ya Bana fa gare ga Monna le Mosadi.

PUISANO

Mofuta o ke tlileng go bua ka ga ONE ke mofuta wa BOGADI JWA NGWANA.

KE JO BO NTSENG JANG?

  • Ke bogadi jo bo ntshediwang Ngwana Ke Monna a sa nyale Mmaagwe.
  • Bo ka nna jwa ntshiwa ke Batsadi ba Monna ba bo ntshetsa Ngwana wa Ngwana wa bone.
    • A kere nako e nngwe Rraagwe Ngwana ga a tlhole a le gone mo botshelong, jaanong Batsadi ba gagwe ba re nnyaa, ga re kake ra latlha madi a rona fela.
  • Bogadi jo, bo bidiwa bogadi le jone ka ntlha ya gore bo dira tiro e e dirwang ke Bogadi jo bo ntshediwang Mosadi fa a nyalwa.
  • Bo rekolola seemo sa Ngwana yo a bo ntshediwang, kwa gaabo, jaaka e le ngwana yo o golelang kwa gaaboMogolo (ka fa khibeng).
  • Bo ntshiwa fela jaaka Bogadi jwa Mosadi, ke gore le jone bo neelwa tlotlo e e neelwang Bogadi fa bo ntshediwa Mosadi fa a nyalwa.
  • Bo tseelwa matsapa a a tshwanang le a a tseelwang Bogadi jwa Mosadi, ke gore ga bo latlhelelwe fela, bo ntshiwa ka masisi a a lekanang a Bogadi jwa Mosadi.
  • Fa re leba nako e Bogadi jo bo ntshiwang ka yone, le jone bo ntshiwa mo mesong lefa e ka se nne ka makuku a Bogadi jwa Mosadi.
  • Ga bo segiwe:-
  • Ke gore ga bo beelwe seelo sa gore ke bokae jaaka Malome a ka baya seelo sa Bogadi jwa Mosadi, e le motlogoloowe.
  • Go isiwa jone bo le bongwe fela, mme ga bo patiwe ka sepe gape se sengwe jaaka Nku ya Mokwele kgotsa ya Mathobela.
    • Mathobela: Ke nku e e ntshediwang mosadi ya o robilweng leoto pele ga bogadi/lenyalo. Ko gore ke faene.
    • Mokwele: Ke nku e e patang magadi e go ntshiwang loseka mo go yone go apeela Banyalani le Ditsala tsa bone.

MOSOLA WA BOGADI JWA NGWANA

  • Maemo
    • Bogadi jo bo neela ngwana maemo a a lekanang le a Bana ba bangwe ba Rre a nang nabo kwa gaabo, e leng mo ntlung ya ga Rraagwe.
    • Fa go balwa Bana ba lelapa le, le ene o a balwa gonne maemo a mo letla gore a ka balwa le ene.
  • Go dirwa
    • Ngwana yo o kgona go dirwa fela jaaka ngwana mongwe le mongwe mo lapeng, mme o tlaabe a dirwa segaaboRraagwe.
      • Dithari
        • O tlaa jelwa Dithari fela jaaka ngwana yo mongwe le yo mongwe mo lapeng.
  • Sefane
    • O kgona go tsaya SEFANE sa ga Rraagwe mo lapeng gonne a tlaabe a ntsheditswe dikgomo tsa bogadi.
  • Ketsaetsego
    • Bo fokotsa ketsaetsego e ngwana a ka golelang mo go yone a sa ikitse a sa itse gore ene ke mang.
    • Bo golaganya ngwana le Batsalwammogo ba gagwe, o tlaa ba itse, le bone ba mo itse mme ba itsane ka tsela eo.
    • Bo reba/fokotsa dikgothakgothano fa gare ga Batsadi ba ngwana, mme se, se dire gore ngwana a golele sentle mo lapeng.
    • Bo thusa ngwana go itshupa, ngwana o tlaa itse go itshupa sentle le gore ke mang, mme bo mo thuse ka dilo di le mmalwa jaaka;
      • Go ipoka
      • Go itlhalosa mo bathung
      • Go itse kgoro ya gaabo
      • Go se latlhege
  • Fa a setse a ntsheditswe Bogadi jo Ngwana yo, o ka kgona le go fetolwa Sefane gonne jaanong o setse a wela ka mo matlhakoring a le mabedi.
  • Fela ntlha ya Sefane, ke e e dumelanwang ke batsadi le masika a batsadi ka bobedi.
  • Ke gore Rraagwe ngwaga ga a rutle ngwana a re jaanong o mo fetola sefane ntle le tumelano ya gagwe le Mmaagwe.
  • Le go dula Ngwana jaanong o na le tetla ya go dula gongwe le gongwe mo malapeng a mabedi a, e le la khiba le le kgomo, fela go ya ka tumelamno.

BAETLEETSI

  • Rre Pitso Senwedi kwa Ditshilong (Taung).
  • Kgosi Motlhabane wa morafe wa gaMaidi kwa Pitsong (Taung).

Share:

Facebook
Twitter
Pinterest
LinkedIn

Related Posts

BOGADI JWA NGWANA

Ka: KAKA Mokakale ITLHABE BOTLHALE MATSENO PUISANO Mofuta o ke tlileng go bua ka ga ONE ke mofuta wa BOGADI JWA NGWANA. KE JO BO