Ka Matlhogonolo Itumeleng
Letsatsi la Boditšhabatšhaba la puo ya ga Mme le ketekwa go ralala lefatshe ngwaga le ngwaga ka la 21 Tlhokole. Le tshwailwe jalo ke UNESCO ka ngwaga wa 1999, ka go keteka puo ya motho ya ga Mme, go dibela dipuo tse le go rotloetsa bopuontsi.
Ka la 27 Tlhakole Lefapha la Botshweretsi, Setso, Metshameko le Boitapoloso la Bokonebophirima ka semphato le Komiti ya Dipuo ya Porofense di ne di keteka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Puo ya ga Mme kwa Rio Hotel Klersdrop; keteko e ne e thologetswe ke baagi, badirakapuo le baeng ba tlotlego mme gareng ga baeng e ne e le kgeleke ya mo malobeng ya SABCDikgang tsa Setswana, Rre Easy Matjila “Re bantle rotlhe!” e bile e ne e le sebuisegolo sa letsatsi. Mo puong ya gagwe Rre Matjila o tlhagisitse tshusumetso ya puo ya ga mme mo botshelong jwa gagwe le maungo a a a ungwileng mo loetong lwa gagwe la bobegakgang, a akaretsa dikabo tse a di amogetseng, nngwe ya tsona e le tlotlomatso ya Bongaka go tswa kwa Yunivesithing ya Bokonebophirima. O rotloeditse thata tiriso ya puo ya ga Mme ka e le boitshupo jwa go itse kwa motho a tswang gone.
Nngwe ya dintlhakgolo tsa keteko e nnile palo e ka lekana lekgolo ya basusu ba ba neng ba tlile ketekong, e le pontsho ya gore Puo ya Matshwao le yona ke puo ya ga mme.
Keteko e konoseditswe ka thankgololo ya padi “Another Chance” e e kwadilweng ke mogolegwa wa maloba; le melaetsa ya thotloetso go tswa mo mefameng e e farologaneng , e rotloetsa go kwala, go buisa le go dirisa puo ya ga Mme ka boipelo.








