Ka: Matlhogonolo Itumeleng
Puo ya Setswana ke nngwe ya dipuo tsa semmuso tsa Aforikaborwa tse di humileng ka ditengwana. Le fa go ntse jalo, mo mererong ya semmuso le fa go kwalwa, go tshwanetse ga nna le tshwanafatso ya mokwalo go efoga ketsaetsego. Go leng jalo, go botlhokwa gore go nne le melawana e e kaelang mokwalo le mopeleto wa puo e e tshwanafaditsweng.
Kantoro ya PanSALB ya Bokonebophirima ka semphato le Yunivesithi ya Bokonebophirima, di ne di ne tsa tshwara dithutano tsa Melawana ya Mokwalo le Mopeleto wa Setswana. Dithutano tseno, di ne di totile barutabana, le bagakolodi ba puo ya Setswana, mmogo le badirakapuo go tswa kwa ditheong tse di farologaneng go akaretsa Yunivesithi ya Bokonebophirima.
Go tshwanafatsa puo ke nngwe ya maikarabelo a magolo a Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana (LBPS), ka jalo matsholotemoso a tshwana le dithutano tseno, ke go netefatsa gore puo e a lolama le go dirisiwa mo melawaneng e e e laoletsweng e bile se, se godisa le go tlhabolola puo.
Jaaka karolo ya dithutano, batseneladithutano ba ne ba newa tirwana/ikatiso ya go tlhopha mokwalo le mopeleto o o nepagetseng wa mafoko a Setswana. Dipholo tsa tirwano/ikatiso eno, di senotse fa go sa ntse go na le palogodimo ya batho ba ba tlhaelang kitso ya melawana ya mokwalo le mopeleto wa mafoko mangwe a Setswana. Seno, se bontshitse botlhokwa jwa go tsweletsa dithutano le matsholotemoso a melawana ya mokwalo le mopeleto wa Setswana.



Morago ga tirwana/ikatiso eno, Motseleganyimogolo wa SEFALA, Rre Gaoretelewe Benjamin Phuti, e bong Moepapitso wa Komitisetegeniki ya Mareo, Mokwalo le Mopeleto (MMM) ya Lekgotla la Bosetshaba la Puo ya Setswana (LBPS), o ne a tlhatlhelela batseneladithutano ka Melawana ya Mokwalo le Mopeleto wa Setswana. Mo puong ya gagwe, o ne a ala lemorago la tlhabololo le tolamiso ya mokwalo le mopeleto wa Setswana, a ba a supa ka fa mokwalo le mopeleto o fetogileng ka teng go tla go tsena gajaana go tloga fela ka bo1930.
Moemedi wa Lefapha la Thuto la Bokonebophirima, Mme Lekome, o ne a tlhagisa dingwe tsa dikgwetlho tse di itemogelwang mo go ruteng puo ya Setswana kwa dikolong. O ne a gatelela gore diphetogo tsa mokwalo le mopeleto ga di fitlhelele barutabana le barutwana ka dinako tsotlhe, o ne a tlhagisa fa se se ama boleng jwa go ruta le go ithuta. Go gatelela ntlha eno, a dira sekao ka phetogo ya mokwalo wa kgwedi ya “Ferikgong”, o jaanong o kwalwang e le “Firikgong”.
Mo kgasong, Motsamaisi wa Kgaolo ya SABC mo Bokonebophirima, Rre Bahetane, o ne a bua ka dikgwetlho tse di itemogelwang mo kgasong mabapi le tiriso ya puo ya Setswana. O ne a gwetlha tirisanommogo magareng ga SABC le PanSALB go netefatsa gore puo e e dirisiwang mo kgasong e latela melawana ya mokwalo le mopeleto.
Mme Mosenogi wa Bokaedi jwa Dipuo kwa Yunivesithing ya Bokonebophirima o ne a tlhalosa ditirelo tse Bokaedi jwa Dipuo bo di tlamelang mo go godiseng le go rotloetsa tiriso e e lolameng ya Setswana, diphitlhelelo tsa bona le diporojeke tse ba ikaelelang go di tsenya mo tirisong mo nakong e e gaufi,
Dithutano tseno, e nnile sesupo sa tshwaragano ya go godisa, go tlhabolola le go netefatsa tolamiso ya mokwalo le mopeleto ya puo ya Setswana. E nnile letsholotemoso la go ruta segolo jang barutabana le bagakolodi ba puo ya Setswana kwa dikolong, melawana ya mokwalo le mopeleto.
E tselegantswe ke : Phuti GB



