DITHUTANO TSA LEKGOTLA LA BOSETŠHABA LA PUO YA SETSWANA LA PanSALB, DI SENOLA DIKGWETLHO TSE DI AMANG THUTO YA SETSWANA KWA POROFENSENG YA FOREISETATA

Mokwadi: Goitsemodimo Seleka: Tokololo ya Lekgotla le Komitisetegeniki ya Tshwanafatso

Go tlhoka go tshwana ga mokwalo, mopeleto le mareo, tlhaelo ya didirisiwa tsa thuto, mmogo le dikgwetlho tse di amang bokgoni jwa bangwe ba barutabana, ke dingwe tsa dintlha tse di tlhagileng mo dithutanong tse di neng tsa tshwarwa ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana (LBPS) la Boto ya Dipuotsotlhe ya Aforikaborwa (PanSALB) kwa Bloemfontein.

Dithutano tseno di ne tsa kopanya komitisetegeniki ya Tshwanafatso, e eteletswepele ke Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana, Rre Ogodiseng Mokakale gammogo le Rre Gaoretelelwe Phuti, Ngaka Bridget Mangwegape le Rre Goitsemodimo Seleka le barutabana ba serutwa sa Setswana. Maitlhomo a dithutano tseno e ne e le go sekaseka maemo a puo mo dikolong le go batla ditsela tsa go tokafatsa boleng jwa go ruta le go ithuta Setswana. Mogakolodi wa Serutwa sa Setswana wa sedika sa Xhariep, Mme MD Mabote, o ne a re  maikaelelo e ne e se fela go gakolola ka melao ya mokwalo le mopeleto, mme e ne e le go reetsa maitemogelo a barutabana le dikgwetlho tse ba kopanang natso letsatsi le letsatsi.

Mo dipuisanong, barutabana ba supile dikgwetlho di le mmalwa tse di akaretsang pharologanyo fa gare ga Setswana le Sesotho, go tlhoka go tshwana ga mareo mo dithutong tse di jaaka Dipalo, tlhaelo ya didirisiwa tse di dirisang mareo a a amogetsweng, le bokgoni jo bo sa lekaneng jwa bangwe ba barutabana ba ba rutang Setswana. Gape go ne ga umakiwa dikgwetlho tsa tiragatso ya Thuto ya Puopedi e e Theilweng mo Puong ya ga Mme (TPTPM), tlhaelo ya batlhatlhobi le batsamaisi ba ba nang le bokgoni mo serutweng, le mathata a thanolo go tswa mo Seesemaneng go ya mo Setswaneng.

Dithutano di ne tsa fitlhelela tshwetso ya gore tharabololo ya dikgwetlho tseno e tlaa tlhoka tirisanommogo magareng ga PanSALB, Lefapha la Thuto, diyunivesithi, bagatisi ba dibuka le barutabana. Gareng ga dikgato tse di tshikhintsweng, go na le go lekalekanya mopeleto le mareo, go tlhagisa kaedi ya mareo a a amogetsweng, go tswelela ka dithutano tsa tlhabololo ya bokgoni jwa barutabana, go nonotsha ditirelo tsa thanolo le go sekaseka boleng jwa dibukathuto pele di ka amogelwa go dirisiwa kwa dikolong.

Sengwe sa ditshwetso tse di amogetsweng ka matlhagatlhaga ke kakanyo ya go tlhoma Foramo ya Barutabana ba Setswana kwa Foreisetata. Foramo eno e solofetswe go nna lefelo la go abelana maitemogelo, go buisana ka dikgwetlho, go dira dipatlisiso le go romela diakanngwa kwa Lekgotleng la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. Go gateletswe gore foramo eno e tlaa tshegetsa tiro ya Lekgotla, e seng go e emisetsa. 

Ka ntlha ya gore dingwe tsa dikgwetlho ga di ka ke tsa rarabololwa ke Lekgotla fela, go ne ga tshikhinngwa gore ditlaleletso tsotlhe di romelwe kwa Lefapheng la Bosetšhaba la Thuto ya Motheo, mafapheng a thuto a diporofense, ditheong tsa katiso ya barutabana, kwa baitseanapeng ba kharikhulamo, bagatising ba dibuka le kwa PanSALB gore tsotlhe di dirisane go tokafatsa boleng jwa thuto ya Setswana. 

Fa a konotelela dithutano tseno, Modulasetulo wa Lekgotla, Rre Ogodiseng Mokakale, o ne a gatelela gore bokamoso jwa Setswana bo ikaegile ka tirisanommogo ya botlhe ba ba nang le seabe mo puong. Go dumelwa gore fa ditshwetso tsotlhe tse di tserweng di ka tsenngwa tirisong, Setswana se tlaa nonofa e seng fela jaaka serutwa sa sekolo, mme gape jaaka puo ya kitso, saense, setso le tlhabololo. 

Mokwadi: Goitsemodimo Seleka: Tokololo ya Lekgotla le Komitisetegeniki ya Tshwanafatso

Share:

Facebook
Twitter
Pinterest
LinkedIn

Related Posts

BOGADI JWA NGWANA

Ka: KAKA Mokakale ITLHABE BOTLHALE MATSENO PUISANO Mofuta o ke tlileng go bua ka ga ONE ke mofuta wa BOGADI JWA NGWANA. KE JO BO