Morago ga go amogela dikopo go tswa kwa mafapheng a diporofense tsa Kapaborwa le Kapabotlhaba, Kantoro ya PanSALB ya Gauteng ka Ngwanaitseele 2025, e ne ya thankgolola dikatiso tsa kitsotheo tsa Puo ya Matshwao ya Aforikaborwa (SASL). Dikatiso tse, di ne di totile go ruta badiredipuso ba kwa Kapaborwa gammogo le badiri ba Ingwe TVET College, kwa Kapabotlhaba ka ga kitso ya motheo ya Puo ya Matshwao ya Afrorikaborwa go ba kgontsha go buisana le go rebolela basusu ditirelo. Moonomogolo wa dikatiso tse, e ne e le go ruta go peleta ka menwana, setso sa basusu, tiriso ya matshwao a letsatsi le letsatsi le go tshwara metlotlo ka SASL.



Katiso ya ntlha, e ne e tshwerwe ka la 3-7 Ngwanaitseele 2025 kwa Kapaborwa morago ga kopo ya Lefapha la Merero ya Setso le Metshameko. Mme Gadija Abdullatief yo e leng Motlatsamokaedi wa Ditirelo tsa Puo kwa Lefapheng, o ne a amogela batsenelakatiso, ba e neng e le badiredipuso ba Lefapha la Merero ya Setso le Metshameko, a ba lebogela go tsibogela katiso e. O ne a gatelela gore ba na le maikarabelo le ditšhono tsa go netefatsa gore basusu ba fitlhelela ditirelo tsa puso le go ba akaretsa mo go tsotlhe tse re tsayang karolo mo go tsone. O ne a re o tshepa gore katiso e, e tlaa nonotsha badiredipuso ka bokgoni jwa go bua le go tlamela basusu ka ditirelo ka boikanyego le tlotlo.
Rre Jean-Claude Smit, Moemedi wa SASL, yo o nang le bosusu, wa Lekgotla la Dipuo kwa Kapaborwa, o ne a itumeletse go bona boikemisetso jwa go ithuta go tswa mo badiredipusong le go ba bona ba rata Puo ya Matshwao ya Aforikaborwa . O ne a re se, se botlhokwa thata mo go bona jaaka basusu, mme o tshepa gore badiredipuso ba tlaa tswelela go ithuta go ya pele. Ngaka Cassiem De Wet, Modulasetulo wa AL-WAAGAH e leng setheo sa basusu, o ne a tlhalosa gore AL-WAAGAH e matlafatsa basusu le go lwela ditshwanelo tsa bona mo Aforikaborwa. A tlhagisa gore katiso e, e ne e se ya ntlha ka tshwaragano le PanSALB mme o solofela gore go tlaa tshwarwa dikatiso di le dintsi mo bokamosong ka gonne basusu ba sa ntse ba sa akarediwe mo dilong di le dintsi mo Aforikaborwa.



Katiso ya bobedi, e ne e tshwerwe ka la 10-14 Ngwanaitseele 2025 kwa Matatiele, Kapabotlhaba, ka kopo ya Ingwe TVET College. Kitsokatiso e, e ne e le ya batlhatlheledi, batlhankedi ba ditshegetso tsa baithuti le badiri ba Kantoro ya Kgaolo ya Lefapha la Thutokgolwane le Katiso kwa Kapabotlhaba. Rre Rachere Radile, Mogokgo wa namaotshwere kwa Ingwe TVET College o ne a leboga badiri ba Ingwe TVET College go tlotla taletso ya go tsenela kitsokatiso ka nako e e botlhokwa thata ya ditlhatlhobo tsa bokhutlo jwa ngwaga. O tlhagisitse gore moono wa Ingwe TVET College ke go tlamela ka thuto e tlhwatlhwa ya botegeniki le katiso ya boleng jo bo kwa godimo, e e arabelang ditlhokego tsa ikonomi ya rona. O ne a gatelela gore go sa diragatse moono o le go sa kgone go rebolela basusu thuto le katiso go ka ama ikonomi ya naga. O tlhagisitse gore ba tlaa dira ka natla go ipaakanyetsa go amogela baithuti ba bosusu kwa Ingwe TVET College mo ngwageng wa 2026, e leng lebakalegolo la kopo ya katiso e.
Dikatiso tse, di nnile dikarabo tsa dikopo go tswa go Lefapha la Merero ya Setso le Metshameko le Ingwe TVET College.



