Ka Lwetse 2025, e leng kgwedi ya letsholotemoso la bosusu; Kantoro ya Bokonebophirima ka tshwaragano le Kantoro ya Gauteng ya PanSALB ga mmogo le Lefapha la Botsweretshi, Setso, Metshameko le Boitapoloso la Bokonebophirima, di ne di tshwere katiso ya Puo ya Matshwao ya Aforikaborwa (SASL) go ruta batsadi ba ba nang le bana ba basusu le badirelasetšhaba jaaka badirediloago, batšhomolodi, batlhatlheledi ba Taletso TVET College le ba bangwe; ka kitso ya motheo ya Puo ya Matshwao ya Aforikaborwa go ba kgontsha go buisana le go rebolela basusu ditirelo.
Moonomogolo wa katiso e, e ne e le go ruta batsayakarolo matshwao a motheo, setso sa batho ba basusu le go buisana botoka le bana ba basusu. Seno ke selo sa botlhokwa ka gonne bontsi jwa bana ba basusu bo ikutlwa bo kgaphelwa thoko fa batsadi ba sa kgone go buisana le bona ka Puo ya Matshwao gammogo le batho ba basusu ka kakaretso ba ikutlwa ba sa amogelesega fa go retela go ba tlamela ka ditirelo, jaaka ditirelo tsa botšhomolodi kana tsa bodirediloago.
Katiso e ne e akareditse go ithuta go peleta ka menwana, go dirisa matshwao a letsatsi le letsatsi le go kgona go tshwara metlotlo ka Puo ya Matshwao ya Aforikaborwa. Bontsi jwa batsayakarolo segolo jang batsadi, bo neseditse katiso eno pula, bo kaile fa e thiba mokhino wa puisano o o leng teng magareng ga bana ba bona ba basusu. Bangwe ba badirelasetšhaba ba tlhagisitse fa katiso e e ba fatlhositse le go ba kgontsha go rebolela basusu ditirelo ka tshwanelo.
Katiso e, e nnile letsholotsiboso la botlhokwa le thotloetso ya go tswelela go ithuta SASL ka go tokafatsa le go nolofatsa puisano gore basusu ba ikutlwe ba amogelesegile.



