Leina la EPE ya sethusathuto se, ke ‘Re aga ka ditlhaka’ mme se fitlhelelwa mo maranyaneng ka go kwala www.reagaditlhaka.co.za

Morago ga leroborobo la COVID 19, barutwana ba le bantsi ba ne ba itemogela dikgwetlho tsa go buisa le go kwala. Dintlha tse di amileng maikutlo a gagwe thata ke tse di akaretsang go palelwa ke go kwala ka boitlhamedi, go retelelwa ke go tlhaloganya se go buisitsweng ka ga sona le mopeleto o o sa siamang wa mafoko, bogolo jang wa mafoko a a nang le ditumanosi tse di pataganeng.
Sethusathuto se, se kgaogantswe ka dikarolo di le pedi, e leng: ditirwana le ditlhatlhobo. Karolo ya ditirwana e a ruta, fa karolo ya ditlhatlhobo e tlhatlhoba se se rutilweng.
| l |
Mo sekaong se se fa godimo fa, baithuti ba ithuta ka go tsaya karolo le go tlanya mo diselefounung tsa bona kgotsa ka tiriso ya dikhomphiutha. Barutwana ba neelwa dipholo tsa tiragatso ya bona ka gangwe. Ba newa tsiboso ka medumo fa ba dira diphoso kgotsa fa ba dira bontle. Gape ba newa tsiboso ka melaetsa fa ba dira diphoso tse di tlwaelegileng jaaka go simolola dipolelo ka ditlhaka tse dinnye kgotsa fa ba sa kwale dikhutlo kwa bokhutlong jwa dipolelo.
Ditlhatlhobo di botlhokwa go re netefaletsa gore bana ba kgona se ba se ithutileng mo ditirwaneng tsa bona ka botlalo. Barutwana ba kwala fela se ba se neetsweng, ka jalo, o dirisa ditirwana tse, go aga kitso e e botlhokwa ya motheo wa barutwana.
Mesola ya sethusathuto se.
- Sethusathuto se se ala motheo o o tsepameng o barutwana ba tlhokang go nna le ona go kgona go buisa le go kwala.
- Fa barutwana ba itse go kwala medumopuo e e farologaneng, ba ka kgona go kwala sengwe le sengwe se ba se akanyang.
- Barutwana ba tlaa kgona go ranolola ditshwantsho le go kwala ka se ba se bonang ka go itshepa.
- Se thusa go tsweletsa dithuto kwa magaeng morago ga letsatsi la sekolo.
- Batsadi ba tlaa kgona go tsaya karolo ka botlalo mo dithutong tsa bana ba bona gonne sethusathuto se, se leka go ka golaganya barutwana botlhe ka go fitlhelwa nako nngwe le nngwe mo maranyaneng.
- Batsadi ba kgona go itse fa makoa a bana a letseng teng le fa ba nang le bokgoni fa teng.
- Se matlafatsa bana go nna le dikgono tsa go rarabolola mathata.
- Se dirisa kitso ya bona ya maranyane ka botlalo go ba thusa mo dithutong tsa bona gonne go itshupa fa ba ithuta bonolo ka tiriso ya maranyane.
- Sethusathuto se, se dira gore puo ya Setswana e nne le tekatekano le dipuo tsa Mayuropa tse di itlhomileng kwa pele ka go ruta ka tiriso ya maranyane.
- Mokgwa wa go ruta ka tiriso ya maranyane o ka thusa go fitlhelela barutwana mo nakong ya ditlalelo jaaka ka nako ya leroborobo la COVID 19 le ka dinako tsa merwalela le ditsuatsue.



