Molaophethi wa Boto ya Dipuotsotlhe ya Aforikaborwa (Molao 59 wa 1995, jaaka o tlhabolotswe) mo karolong ya 8(8)(c) o kgontsha PanSALB go nna le di Diyuniti tsa BosetŠhaba tsa Dithanodi (NLUs) go ka tlhagisa thanodi ya temenngwe ya puo nngwe le nngwe ya semmuso. NLU e tlhatlosa kgodiso ya puo ka go tlhagisa dithanodi le ditlhagiswa tse di maleba ka dipuo tsa semmuso tsa Aforikaborwa. Di dira jaaka ditheo tse di tsamaisiwang go ya ka Molaophethi wa Ditlamo (Molao 71 wa 2008).
Se ke boikuelo mo baaging ba ba dirang mo ditheong tse di farologaneng tsa dithuto, ditheo tsa setso le segosi kgotsa mekgatlho go tlhopha batho go ka nna ditokololo tsa Diboto tsa Bakaedi tse di farologaneng tsa diNLU (Sepedi/Sesotho sa Leboa, Sesotho, Setswana, Siswati, Tshivenda, Xitsonga, Afrikaans, English, isiNdebele, isiXhosa, and isiZulu). Boto ya Bakaedi ba NLU nngwe le nngwe e tlaa tsamaisa NLU mo tlhagisong ya thanodi ya yona le ditlhagiswa tse di maleba ka maikaelelo a go godisa, go tsweletsa le tiriso ya puo ke babui ba yona mo thutong le mo mefameng ya boitseanape. Gareng ga maikarabelo, Boto ya Bakaedi e tshwanetse go lebelela tiriso ya
madi, badiri le didiriswa tse di leng gona tsa go godisa puo e e rileng, go dira le go baakanya melawana le dithulaganyo tse go tshwanetseng go kgontsha Yuniti go fitlhelela maikaelelo a a amanang le tlhagiso, kgatiso le papatso ya dithanodi le ditlhagiswa tse di maleba
DITLHOKEGO / BOKGON
Motlhophiwa o tshwanetse gobo a na lekgatlhego mo dintlheng tsa kgodiso ya puo. O tshwanetse go nna le bonnye bokgoni jo bo latelang:
1. Kitso mo mofameng wa bokwalathanodi (go kokoanya mafoko go a tsenya mo dithanoding) e e leng ya botlhokwa
2. Dikgono tsa botsamaisi le boeteledipele
3. Dikgono tsa botsamaisi jwa matlole
4. Kitso ka merero ya semolao kgotsa
5. Dikgono tsa dithekiso
6. Kitso ya mafaratlhatlha a thekenoloji.
7. Mefuta thekenoloji ya puo
Mme o tshwanetse go nna sebui sa puo ya ntlha e a tlhophiwang mo go yona
• Maina le aterese (bonno le poso) le tshedimosetso ya ikgolaganyo (imeile le dinomoro tsa mogala) tsa motlhophiwa. CV e tshwanetse go nna le maina otlhe a a feletseng a motlhophiwa, dinomoro tsa lokwaloitshupo, bong, tshedimosetso ya ikgolaganyo (imeile le dinomoro tsa mogala), aterese (bonno le poso), leina la porofense e ba nnang kwa go yona, tlhaloso e khutshwane ya maitemogelo, kitso le bokgoni mo puong e e maleba le / kgotsa setso.
• Dikhophi tse di netefaditsweng tsa lokwaloitshupo le dithutego tsa motlhophiwa
• Tshedimosetso nngwe le nngwe e e maleba go akarediwa maina le tshedimosetso ya ikgolaganyo ya batlhomamisi. Mongwe wa batlhomamisi o tshwanetse a bo a tswa mo setheong sa loago sa puo, setso kgotsa segosi
• Lekwalo la tlhaloso le le tswang go motlhophi le le supang / neelanang ka mabaka goreng motlhophiwa a na le bokgoni jwa go ka tsaya karolo mo kgodisong le tiriso ya puo
• Foromo a kopo e e tshwanetsweng go saeniwa ke motlhophi, yo o mo emang nokeng le motlhophiwa.
Makwalotlhopho ga a kitla a tsewa tsiya fa tse di boletsweng fa godimo di sa akarediwa.
Go bona tshedimosetso go feta fa ka tsela le ditlhokego tse dingwe, ikgolaganye le PanSALB mo www.pansalb.org kgotsa ikgolaganye le:
Moh. Nonkululeko Mkhize Mogala: (012) 341 9638 Imeile: nonkululeko@pansalb.org
Mokhuduthamagamogolo: Go: Kgodiso le Tiriso ya Puo Boto ya Dipuotsotlhe ya Aforikaborwa
Imeile: nominations-nlu@pansalb.org Ka Imeile go: Private Bag X08, Arcadia, 0007
Di ka romelwa kwa: 5th Floor, Provisus Building, 523 Stanza Bopape Street, Arcadia, 0083
Letlha la tswalelo: 23 Tlhakole 2024
Itse fa ditlhopho tse di rometsweng ka fekese di se kitla di amogelwa
NLUs Call for nomination – Setswana
Setswana – Nomination Form for NLUs