LEFAPHA LA BOBEDI MO POROFENSENG GO NNA LE PHOLISI YA PUO

Matlhogonolo Itumeleng

Kantoro ya PanSALB ya Bokonebophirima, e akgola lefapha la bobedi mo porofenseng go nna le pholisi ya puo. Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso, (CoGTA), ke lefapha la bobedi mo porofenseng ya Bokonebophirima go nna le Pholisi ya Puo e e amogetsweng semmuso. Katlego e, e tla morago ga gore Kantoro ya PanSALB ya Bokonebophirima e etele Lefapha la CoGTA monongwaga ka Firikgong mo mererong ya go bayaleitlho tiragatso ya molaophethisi wa Dipuo wa Porofense ya Bokonebophirima (Molaophethisi 1 wa 2015).

Ka nako e Kantoro e neng e etetse Lefapha la CoGTA, Pholisi ya bona ya puo e ne e sa ntse e le letlhomeso. Gompieno, lefapha le na le pholisi ya puo e e amogetsweng semmuso dikgwedinyana fela morago ga go etelwa ke Kantoro ya PanSALB ya Bokonebophirima.

Mo puisanong ya Kantoro le lefapha, morago ga gore Pholisi  e amogelwe semmuso, Tlhogo ya Lefapha, Ngaka Ben Bole o tlhalositse fa katlego eno e le sesupo sa kgatelopele ya lefapha jaaka e le maikemisetso a lona mo molaotheong, boakaretsing jwa loago le mo pusong ya batho ka batho. Tlhogo ya Lefapha o tlhalositse gape gore maitlhomo a Pholisi ke go nonotsha bopuontsi le go netefatsa gore puo ga e nne maparego mo go fitlheleleng ditirelo tsa puso kgotsa mo go tlhaeletsaneng le lefapha. Tlhamego ya Pholisi e rotloeditswe thata ke maikarabelo a lefapha mo molaotheong, e bong go rotloetsa bopuontsi le go sireletsa ditshwanelo tsa setho tsa puo. Seno, se botlhokwatlhokwa mo Lefapheng la CoGTA

ka le dira thata gaufi le bommasepala, Magosi le baagi. Ka jalo kamogelo ya Pholisi e tlamela ka maremelo a go kaela tiriso ya puo mo tsamaisong ya lefapha le tlhaeletsano ya kwa ntle ga lefapha.

Tlhogo ya Lefapha e tlhagisitse fa kamogelo semmuso ya Pholisi e nnile namane e tona ya tiro e e batlileng gore e nnelwe disanyana go utlwala le go tshwaraganelwa gore e tswe mo legatong la letlhomeso mme e amogelwe semmuso. Lefapha le ile la tsaya dikatlanegiso tsa PanSALB, la nyalanya pholisi le Molaotheo, Molaophethisi wa Tiriso ya Dipuo tsa Bosetšhaba, Molaophethisi wa Dipuo wa Porofense ya Bokonebophirima, le maremelo a mangwe a semolao go atlegisa pholisi e e arabelang ditlhokego tsa semolao le tiragatso ya tota ya tlamelo ya ditirelo tsa Lefapha.

Ka go se na loeto lo lo senang dikgwetlho, nngwe ya dikgwetlho e nnile go netefatsa gore Pholisi e nna seipone sa pharologanyo ya dipuo tsa mo porofenseng mme gape e netefatsa gore e ka tsenyegatirisong go ya ka didiriswa tse di leng teng. Ngaka Ben Bole o ile a akgola seabe sa Khuduthamaga ya Lefapha, Botsamaisibogolo, Bokaedi jwa Tlhaeletsano, Ditirelo tsa Semolao, batlhankedi go tswa mo maphateng a a farologaneng, segolobogolo lephata la Merero ya Setso le botlhe ba ba nnileng le seabe mo katlegong ya pholisi, a sa tlogele kwa morago Kantoro ya PanSALB ka go kaela le go ema lefapha nokeng.

Lefapha gajaana le mekamekane le go tsenyatirisong pholisi ka go tlhoma komiti ya puo gore e thankgolole leano la tsenotirisong semmuso. Ka leano le, lefapha le ikaelela go nonotsha tlhaeletsano ya ka fa gare le kwa ntle ga lefapha, go tokafatsa phitlhelelo ya tshedimosetso le tlamelo ya ditirelo tsa lefapha. Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso le segile motlhala o montle o mafapha a mangwe a ka o salang morago go tlhama dipholisi tsa puo gore a obamele Molaophethisiwa Dipuo wa Porofense ya Bokonebophirima (Molaophethisi 1 wa 2015).

Share:

Facebook
Twitter
Pinterest
LinkedIn

Related Posts

BOGADI JWA NGWANA

Ka: KAKA Mokakale ITLHABE BOTLHALE MATSENO PUISANO Mofuta o ke tlileng go bua ka ga ONE ke mofuta wa BOGADI JWA NGWANA. KE JO BO